Morwa - Ntao wa mare a majaga a matebele Morwa kobo-ya-tauO go tilweng kgomo e lla e okometse LepeleE lla e okame BitsweE lla e potile Tswenyane moragoBadisa le e bokolotsengLo e bokolotsengLo be lo e gogeng ka melodi banna Ngwana wa ga le masa-masa wa moloiO re bolelela a matebe o akaO re pitse di fula kwa Tlhabelang Ngwana wa ga leropolotso le le maoto a maneLe maoto matlhano le a tabogaKa le sale le tlhola le faloutsa lotsatsaLe duma jaaka ntshwe wa motsetsi le re:Kana felo fa go swetseng rremogolo-golwaneke ago itse,go matubako,go maoto a batho.Ebile go makgolela a marumo O motho! mongatana.Yo go tweng motho montsho mongaparela bathoO ne a betsa motho ka letswele a fetaA bowa a betsa o mongwe ka letswele a fetaBatho ba gagwe ba sala ba sule ba ntse dikgoraBa sala ba sule ba ntse dithothoBa sala ba sule ba ntse dikgogora botlhe Noga e ntsho ya bo MmaMarenyaneE ntse e itoga semelemetheE itoga semelemethe le maje a BotloweEtswa kwa mosimeng e ise etswe yotlhe Basadi bale ba -a-Rantao ba kaeBo Seaomeng le MaitatoBa kae ba sa tle go mpokisa TshweneBa bona tshwene e galefileMatlho a yona a talafetseA talafetse o ka re bolele jwa noka ya kolone
By: khotleng Rantao