Ke Phogole Phogole Duma
Pheleu e boko bothata
Ke lefukumetse ngwana phata bolele
Ke motho a'bo Mantate Lekonatla
Ke lefukumeetse la mafulo a Phogolo
Ke motho a ' bo Kgerepu ke mogorogoro
Ke motlhanka dikgomo farasela
Ke tsamaile le motse ka ntlhengwe
Ke tshaba Tshukudu ya Mosadi le ya Monna
Baloi ba ba tlhogodithata
Rona re Bakwena bana ba phateakobo bolele
Ke motho a' bo Lefiswana le Makgapa
Ke motho a bo Nthathane
Ke motho a 'bo Phafana kgaitsedi ea bo Mokgotswana
Ke motho a'bo tshega e ngate seatla ke lapile
Ke motho a'bo Mmakgotlakgotlane
O kgotlhe Pela e ituletse legageng
Ba re pela ga e lome banna ba molote
Ke letlapa le le kobo monyedinyedi
Le bona ka motse go falla
Ke kgarapa (Kwena) nkadime dinala
Ke a sasanka ke kamo gara meetse
Ke tshaba badiiti
By: Leroma Leeuw
Ke Phogole Phogole Duma Pheleu e boko bothata Ke lefukumetse ngwana phata bolele Ke motho a'bo Mantate Lekonatla Ke lefukumeetse la mafulo a Phogolo Ke motho a ' bo Kgerepu ke mogorogoro Ke motlhanka dikgomo farasela Ke tsamaile le motse ka ntlhengwe Ke tshaba Tshukudu ya Mosadi le ya Monna Baloi ba ba tlhogodithata Rona re Bakwena bana ba phateakobo bolele Ke motho a' bo Lefiswana le Makgapa Ke motho a bo Nthathane Ke motho a 'bo Phafana kgaitsedi ea bo Mokgotswana Ke motho a'bo tshega e ngate seatla ke lapile Ke motho a'bo Mmakgotlakgotlane O kgotlhe Pela e ituletse legageng Ba re pela ga e lome banna ba molote Ke letlapa le le kobo monyedinyedi Le bona ka motse go falla Ke kgarapa (Kwena) nkadime dinala Ke a sasanka ke kamo gara meetse Ke tshaba badiiti
By: Mesele Ngakane
Ke Mphogole mmina metsi phopi ya bolele Kwena.