SEROGOLE. Rramorutlwana wa tsokwaneng. Rraselwa ka patla wa bo Motlolle. Nonyane ya fofa la Molope. Thaga ya manna le maraga kgotla. Thaga ya mannela gong. Ka re Phiri ya se rongwa ka lefifi motshegare e gane. Kgantele e ye mme e ye e ngunanguna. BaKgatla le BaKwena ba botse gore o ngunanguna eng, e re ke ngunanguna bo botlana. Nnake a tshware e tshweu ke tshware e tshoana kgomo ditshwane ka mmala sakeng. Keikotse ka kgopana ya tlou.
By: Atang Loate