Ke le Kuntwane le konakonetsa
Le ja phate le eletse.
Mosetsana wa sefatana sa Moruleng
Se ka sha seka falla,
Sa tshaba maputlaganyana
Sa ba sa tshaba makgaoganyana. Mosetsana wa Pilane,
Wa Phetwe,wa Molefe
wa Matshego a Lebotse.
Letlapa lako Mabule,
Moletshwari one a le tshwara
Mme a kgaoga menwana.
Ke Tshukudu ya bo sempheteng ke eme
Ga le mpheta ke eme,
Le tlholla BoMmalona dillo
Le tlholla BoMmalona go beolwa
Mokgatla a a bonese ka Kgabo(flame)
By: Mmamogotsi Lebotse-Messiah
Ke le Kuntwane le konakonetsa Le ja phate le eletse. Mosetsana wa sefatana sa Moruleng Se ka sha seka falla, Sa tshaba maputlaganyana Sa ba sa tshaba makgaoganyana. Mosetsana wa Pilane, Wa Phetwe,wa Molefe wa Matshego a Lebotse. Letlapa lako Mabule, Moletshwari one a le tshwara Mme a kgaoga menwana. Ke Tshukudu ya bo sempheteng ke eme Ga le mpheta ke eme, Le tlholla BoMmalona dillo Le tlholla BoMmalona go beolwa Mokgatla a a bonese ka Kgabo(flame)