Ke mmaramaa’Kotu lekumula dithaka.
Ke mafiri ke magadimana ntweng,
Ga re ja ga re gadime.
Phiri tsa’ Molopo a’ Mogale, marinarina a Borankhumise!
Motho o rileng a tsaa motho a mo akga,
A mo refosa ka theko ‘a lerumo,
Mompei ga a yo, Mompei o ile masimong.
Ke moagi o montsho wa motse wa Mosetlha
Dihemela tsa motse wa Mmakhunwana.
Ke ngwana’ mosadi o lebele le makgabe,
E reng ngwana a lela a tsee lebele a le akgele kwa morago
Ngwana a didimale!
Ke ditlogolwana kwa Mmamarama’ Kotu!
Ke ditlogolwana tsa matebele a Makonkonyane
O ba bone, fa ba tlhoka kgomo
Ba tshwara motho ba mo soboloka fela.
Ditlogolwana tsa Bommaramaa’ Kotu
Ba kotula diako ba tlogela mfero!
Ke bosebesa-ka-dimeko
Dikgong di le teng!
Mmamaraama!!! Mmmooou!!!
By: Derrick Mofokeng
Ke mmaramaa’Kotu lekumula dithaka. Ke mafiri ke magadimana ntweng, Ga re ja ga re gadime. Phiri tsa’ Molopo a’ Mogale, marinarina a Borankhumise! Motho o rileng a tsaa motho a mo akga, A mo refosa ka theko ‘a lerumo, Mompei ga a yo, Mompei o ile masimong. Ke moagi o montsho wa motse wa Mosetlha Dihemela tsa motse wa Mmakhunwana. Ke ngwana’ mosadi o lebele le makgabe, E reng ngwana a lela a tsee lebele a le akgele kwa morago Ngwana a didimale! Ke ditlogolwana kwa Mmamarama’ Kotu! Ke ditlogolwana tsa matebele a Makonkonyane O ba bone, fa ba tlhoka kgomo Ba tshwara motho ba mo soboloka fela. Ditlogolwana tsa Bommaramaa’ Kotu Ba kotula diako ba tlogela mfero! Ke bosebesa-ka-dimeko Dikgong di le teng! Mmamaraama!!! Mmmooou!!!